Land (Maize)										Setswana

Nka bona lefatshe jang?

Instructions: 

Folio strap: Kabo ya lefatshe

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la ntshokuno la Grain SA



Nngwe ya dikopo tse di boaboelediwang thata tse re di amogelang mo bathong ke – “Ke batla lefatshe. A lo ka nthusa?” Karabo ya ntlha ke “Nnyaya”. Rona re le ba Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA, ga re amege mo go thuseng batho go bona (fitlhelela) lefatshe.

Fa re ne re ka dira se, go ne go ka se nne le nako ya go dira sepe gape gonne go batla go nna gore mongwe le mongwe o lora go nna le lefatshe le go nna montshakuno. Mo lenaneong la rona, re ema nokeng batho ba ba setseng ba na le lefatshe le didiriso.

Morago ga 1994, Lefapha la Merero ya Mafatshe le le neng le sa tswa go tlhomiwa le ne la semelela go tsena mo lenaneong la kabo ya lefatshe go ya ka mananeo a a farologaneng. Mo puisanong e, re tlaa tsepama fela mo kabong ya lefathse ka tsela ya kabosešwa mme e seng go bua ka ditopolefatshe le pusetsolefatshe. Gakologelwa gore lenaneo la rona le batla go tlhoma bantshakuno ba bagwebi ba ba maatlafaditsweng, ka jalo re tsepame mo go tsenyeng lefatshe mo ntshokunong ka go thusa montshakuno yo montšhwa, go na le go thusa bao ba ba batlang go ruela lefatshe mabaka mangwe fela.

Kabo ya Phitlhelelolefatshe la Bonno (SLAG)

Lenaneo la ntlha la Merero ya Lefatshe e ntse Kabo ya Phitlhelelolefatshe la Bonno (SLAG). Se se ne se tsamaelana sentle le tlamelo ka matlo foo lelapa lengwe le lengwe le neng le tshwanelwa ke kabo ya R15 000. Ka bomadimabe ga go na polase e e ka rekisiwang ka R15 000, ka jalo batho ba ba neng ba batla go reka polase ba ne ba tshwanela go ipopa ditlhopha mme ba reke polase mmogo.

Go na le mabaka a le mantsi ao a dirileng gore se se se ke sa direga:

Go kgobokanya batho mmogo go tlhola dikgotlhang kwa ntle fela ga gore ba bo ba na le maitlhomo a le mangwe;

Batswelwamosola bangwe ba ne ba na le ditsholofelo tsa temothuo tse di se nang motheo le go akanya gore temothuo ke tsela e e bofefo go ya boitumelongg le mahumo; 

Batswelwamosola ba ne ba na le, kgotsa ba se na maitemogelo a temothuo kgotsa botsamaisi: Fa o kile wa dira mo polaseng, ga go ree gore o nonofisitswe go nna montshakuno yo o ikemetseng;

Go ne go sa tlamelwa ka khepetlele ya go bereka le tlhabololo ya mafaratlhatlha;

Go ne go na le kemonokeng e nnye ya tiro ya mo polaseng go tswa Lefapheng la Temothuo kgotsa e se yo gotlhelele;

Go ne go na le katiso e e maleba e nnye thata, kgotsa e se yo gotlhelele;

E ne e se batswelwamosola botlhe ba ba neng ba na le kgatlhego le boineelo tse di lekaneng go dira gore temothuo e atlege;

Go ne go se na ditselatlhopho dipe go tlhaola batswelwamosola; mme 

Batswelwamosola ba ne ba sa tlhoke go nna mo polaseng.



Kabosešwa ya Lefatshe la Tlhabololo ya Temothuo (LRAD)

Lefapha la Merero ya Mafatshe le ne la lemoga gore thulaganyo e ga e dire sentle ka bonako, ya emisediwa ka sekema sa Kabosešwa ya Lefatshe la Tlhabololo ya Temothuo (LRAD). Se e ne e le tokafatso ya Kabo ya Phitlhelelolefatshe la Bonno (SLAG) ka gore:

E ne e le kabo ya motho ka sebele (e sa tlhole e le kabo ya lelapa), se se neng se raya gore ditokololo di le dintsi tsa lelapa le le lengwe tse di neng di fetile dingwaga di le 18 ba ne ba tshwanelwa ke kabo;

Kabo e ne e le ya bonnye jwa R20 000 (e e neng e feta Kabo ya Phitlhelelolefatshe la Bonno ya R15 000).

Dithoto tsa gago di ne di ka go tsalela kabo e e okeditsweng (go fitlhelela kabo ya makisimamo wa R100 000 mo tshwaelong ya gago ya R400 000). Se e ne e le tsela ya go ngoka batho ba bangwe ba ba neng ba setse ba fitlheletse phitlhelelo ya khepetlele ya mohuta mongwe, (gantsi ka go nna le kgwebo ya mohuta mongwe).



Bontsi jwa dikema tse le jona bo reteletswe, ka ntlha ya mabaka a a latelang:

Batswelwamosola ba ne ba sa ntse ba rotloediwa go dira ditlhopha ka gonne kabo ya motho ka sebele e ne e sa ntse e sa lekane go reka polase;

Ditsholofelo tsa batswelwamosola di ne di sa ntse di se na motheo;

Batswelwamosola ba ne ba na le maitemogelo a temothuo kgotsa botsamaisi jo bonnye kgotsa ba se na ona gotlhelele;

Go ne go dirilwe tlamelo e nnye thata ya khepetlele ya go bereka le tlhabololo ya mafaratlhatlha; 

Lefapha la Temothuo le ne le na le kemonokeng e nnye ya go dira mo polaseng kgotsa e seyo gotlhelele;

Go ne go na le katiso e e maleba e nnye kgotsa e se yo gotlhelele;

E ne e se batswelwamosola botlhe ba ba neng ba na le kgatlhego le go ineela go go lekaneng go atlegisa temothuo;

Ka bomadimabe, go ne go sa ntse go se na dikaelo tsa tlhopho;

Batswelwamosola ba ne ba sa tlhoke go nna mo polaseng.



Sekema sa Phitlhelelolefatshe sa Boitirisi (Proactive Land Acquisition Scheme – PLAS)

Go lemoga fa thulaganyo e e fa godimo le yona e sa atlega thata. Lefapha la Merero ya Mafatshe le ne gape la leka sekema se sešwa – Sekema sa Phitlhelelolefatshe sa Boitirisi. Ka molomo thulaganyo e ne e le go tlamela batswelwamosola ba ba nang le kgatlhego ka tšhono ya go itshupa, pele ba ka fiwa polase;



Sekema se se dira ka thulaganyo ya gore Puso e reka lefatshe go le aba gape sešwa. Polase e a phasaladiwa mme ba ba nang le kgatlhego ba tlhokwa gore ba ntshe mabaka gore ba tshwanela go fiwa tšhono ya go dira temothuo. Paka ya thuolefatshe e ne e rulaganyeditswe go nna dingwaga tse tharo, morago ga moo “motlhokomedi” o ne a ka reka polase fa ba itshupile go tshwanelwa ke go rua lefatshe, kgotsa motlhokomedi o ne a ka emisediwa ka ‘motlhokomedi” yo mongwe kgotsa montshakuno yo o phegeletseng. Sekema se sa ntšhwafatso ya kabolefatshe le sona se tlile ka setlhopha sa mathata a mangwe a sona a mašwa:

Ditsholofelo tsa batswelwamosola di sa ntse fa gongwe di se na motheo;

Batswelwamosola ba ne ba sa tlhokwe go nna mo polaseng;

Batswelwamosola ba ne ba na le maitemogelo a temothuo le tsamaiso e nnye kgotsa e se yo gotlhelele;

Go sa ntse go se na dikaelo tsa tlhopho;

Go dirilwe tlamelo ya khepetlele ya go bereka le tlhabololo ya mafaratlhatlha e nnye;

Lefapha la temothuo le neelana ka kemonokeng ya go dira mo polaseng e nnye kgotsa ga e yo gotlhelele;

Katiso e maleba e nnye kgotsa ga e yo gotlhelele;

Batlhokomedi ba tsaya kgwebo e e dirang, fela go le gantsi ga ba na le kakanyo ka ga dikgwebo tsa mo polaseng. Ga ba na maitemogelo ka thuo, temodijalo, tirisometšhine mo polaseng mme tota ba tsenyediwa go retelelwa gotlhelele;

Mo mabakeng mangwe diterekere le didiriso mo polaseng di mo maemong a a bokoa thata, kgotsa di robegile. Kwa ntle ga kitso le maitemogelo le kwa ntle ga madi a a tlhokegang go dira dipaakanyo, motlhokomedi ga a kgone go dirisa didiriso;

Fa go tliwa mo temodijalong, ditshenyegelo tsa ntshokuno ka heketara di ka nna R5000. Fa montshakuno a batla go jala diheketara tse 200, (e go ya ka mabaka a ntshokuno ya bogwebi e seng e kgolo), se se raya peeletso ya diranta di le milione o le mongwe fela ya go tsenya dijalo mo mmung (se ga se akaretse madi a a tlhokegang go tlhokomela le go baakanya diterekere le didiriso). Lefatshe ga se la montshakuno, e bile o ka tswa a se na maitemogelo a temothuo a nako e fetileng. Se se raya gore ga a kgone go fitlhelela kadimo ya ntshokuno. Kwa ntle ga kadimo ya ntshokuno, go bonala fa montshakuno a ka nna a se ke a nna le diranta tse milione tse a di tlhokang go jala diheketara tse 200;

A re tsee gore montshakuno o na le madi a go baakanya diterekere le didiriso le go jala dijalo. A go tlaa bo go le botlhale go dirisa madi a gago mo lefatsheng le metšhineng tse e seng tsa gago?

Mo polaseng ya dijalo, go na le didiriso tse di farologaneng di le mmalwa – go tswa go mogoma, dese, repara, ege ya dese, mogoma wa ditšhesele, setlhagodi, rotofeitara, go bala di le mmalwa fela. Kwa ntle ga maitemogelo a a lekaneng, montshakuno ga a itse le pharologano magareng ga didiriso tsotlhe, e bile o ka tswa tota a se na le kitso ya go di setela sentle, kgotsa gona go di dirisa ka botlalo; le

Nngwe ya ditemana mo konterakeng magareng ga motlhokomedi le Lefapha la Merero ya Mafatshe e bolela gore motlhokomedi ga a tshwanela go hirisetsa montshakuno wa mogwebi lefatshe, kgotsa go dira tumelano ya ditele le montshakuno yo mongwe. Fa gape go na le kadimo ya ntshokuno, e bile o sa letliwe go lemisana le mongwe, montshakuno yo o tlaa ithuta jang le go tsena mo ntshokunong e e tletseng? 



Go bonala sentle go tswa mo puisanong e e fa godimo gore maiteko a rona mo ntšhwafatsong ya kabolefatshe a na le dikgwetlho tse di masisi. Bontsi jwa mathata bo ne bo sa bonelwa pele mme maiteko a ntšhwafatso ya lephata la temothuo a ne a na le maitlhomo a mantle.



Mo Aforikaborwa re na le lemorago le le maswe le le swabisang. Fela le gale re tshwanetse go leba boammaaruri matlhong. Mo mmusong wa maloba, temothuo e ne e le mo makgoeng fela, mme ka ntlha ya se, re tlhoka go akaretsa lephata la temothuo ya bogwebi mo maitekong a go ntšhwafatsa lephata le.



Ntšhwafatso ya kabolefatshe e e atlegileng e tlhoka dilo di le mmalwa go dirisana:

Lephata le tshwanetse go nna le poelo (e seng jaaka temothoro gajaana);

Batswelwamosola ba tshwanetse go tlhophiwa le go katisiwa;

Go tshwanetse go nne le khepetlele e e lekaneng ya ntshokuno le tlhabololo ya mafaratlhatlha;

Mekgatlho ya dikuno e tshwanetse go amega mo tlhabololong ya bantshakuno mo lephateng la yona; e bile 

Matsapa a puso a tshwanetse go gokaganngwa mme teponako e tshwanetse go nepiwa.



Diporojeke tse di reteletsweng

Ka ntlha ya dipholisi le mananeo a a fetileng, go na le diporojeke di le mmalwa tse di reteletsweng. Di reteletswe ka ntlha ya mabaka a le mmalwa (jaaka go umakilwe fa godimo). Go tlhaloganyega sentle thata gore Lefapha la Tlhabololo ya Magae le Ntšhwafatso ya Kabolefatshe le rata go tsosolosa diporojeke tseo le go busetsa lefatshe leo mo ntshokunong pele le simolola diporojeke tse dintšhwa.



Fa tsosoloso ya diporojeke tse e tshwanela go atlega, go botlhokwa thatathata gore sebako sa thetelelo se tlhaloganngwe – mme se se tlaa tlhaolegela bothata bongwe le bongwe. Go botlhofo thata fela go bua gore porojeke e reteletswe ka ntlha ya tlhokego ya madi. Ee, mo mabakeng a le mantsi, tlhokego ya madi e ntse bongwe jwa mathata, fela go gorometsa madi mo porojekeng ga go ne go rarabolola sepe e bile gantsi go tlaa tlhola dikgotlhang tse dintšhwa ka jaana batswelwamosola ba ba neng ba latlhegetswe ke kgatlhego le go tlogela porojeke, ba tlaa boa gape, ka tsholofelo ya go bona madi mo porojekeng e e tsosolositsweng.



Re tlhoka go:

Tlhotlhomisa sebako sa nnete ya thetelelo;

Tlhaola (supa) batswelwamosola ba ba totang ba ineetse e bile ba sa ntse ba batla go dira temothuo;

Thusa fela batswelwamosola ba ba eletsang go nna mo polaseng. Temothuo ga se mohuta wa kgwebo o o ka o dirang nakwana (part-time). Bantshakuno ba ba atlegileng ba nna mo polaseng le go naya temothuo ya bona 100% ya nako ya bona;

Dirisa batho ba ba nang le maitemogelo a nnete go tlhatlhoba polase le go thusa batswelwamosola ka leanotiro le le ka diragadiwang go tsenya polase mo ntshokunong; le 

Akaretsa batswelwamosola mo lenaneotlhabololong la katiso le bokgoni le le tsamaisiwang ke mokgatlho wa kuno wa bantshakuno wa selegae, e le gore go golaganngwe bantshakuno ba bantšhwa le lephata la bogwebi fela di tloga.



Fa re tshwanelwa ke go dira gore ntšhwafatso ya temothuo e dire mo Aforikaborwa, re tlhoka go tshwaragana, go ithuta go tshepanago kopanya lephata le go dira gore temothuo e tsee maemo a yona a a tshwanetseng jaaka pinagare ya itsholelo ya rona ya magae.

